Ga re nke re kopa, amogela, neela, tlamela kgotsa go dira dipipamolomo tsa mofuta ope fela, go akaretsa go tsamaisa dituelo. Pipamolomo e ka nna ka mokgwa wa mpho, boitlosobodutu, leeto, go saena dibonase, go tlamela tiro, dipusetso madi kgotsa tuelo ya madi e e seng kafa molaong, dikadimo, dituelo, ditirelo, meneelo kgotsa go direlwa melemo
Re kelotlhoko gore re tlhomamisa gore re dira fela le bomphato le rona mo kgwebong ba ba bontshang boikemisetso jo bo tshwanang le jwa rona jwa go dira kgwebo le boitshwaro
Re tlhomamisa gore dimpho tsotlhe le boitlosobodutu di dirwa ka bopelotshweu, ka nako nngwe, mo selekanyong le mo go tshwanetseng le gore ga di ntshiwe ka boikaelelo jwa go tlhotlheletsa tshwetso ya motho yo o di amogelang kgotsa go iponela molemo o o sa siamang wa kgwebo
Re kelotlhoko segolobogolo mo ditirisanong tsa rona le badiredipuso go tila kgopolo ya pipamolomo, go akaretsa go refosanwa ga dimpho dipe le boitlosoboduto le bone
Ga re ntshe moneelo mo letsholong lepe la sepolotiki, mokgatlo, ntlhopheng kgotsa mokgatlo ope fela o o amanang le tsa sepolotiki
Re dira maitlhomo a a utlwalang a kgwebo mme ga re tsenye batho ba rona mo mathateng a pipamolomo le bonweenwee ka go ba gatelela gore ba fitlhelele mekgele e e sa fitlhelesegeng kgotsa nako ya go fetsa tiro
Re lemoga badirimmogo ba ba dirang ka boikanyegi mme ga re ba otlhaele go latlhegelwa ke kgwebo ka ntlha ya gone.