Boitekanelo le pabalesego

Go babalesega le go nna le boikarabelo

Boitekanelo le pabalesego

Go boloka lefelo la rona la tiro le sena dintsho, malwetse a mo tirong le dikgobalo ke se re se gagamalelang letsatsi le letsatsi. Seno ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe.

Re batla go sireletsa boitekanelo le pabalesego ya badiri ba rona, segolobogolo fa ba dira mo maemong a a kotsi.

Re lebeletse gore baeteledipele ba rona mo maemong otlhe ba tlhame le go boloka mokgwa o go tsewang kgato pele wa pabalesego.

Melao ya Rona ya konokono go e sekaseka

  • Pabalesego
  • Go sa fitlhe sepe
  • Boikanyegi
  • Go tlhofofatsa dilo
  • Boikarabelo
  • Kgwebo

Boikemisetso jwa rona bo kayang mo tseleng e re dirang dilo ka yone?

Re emisa tiro, le go emisa ba bangwe go dira, fa re akanya gore ga go a babalesega kgotsa mo dikotsi di ka se kgoneng go thibelwa
Rotlhe re ikarabela mo pabalesegong ya rona le pabalesego ya badirikarona, go akaretsa borakonteraka ba rona, le baagi ba ba re dikologileng
Re neela dipegelokarabo tse di siameng le go gatelela boitshwaro jo bo siameng le jo bo babalesegileng
Re sekaseka mathata a pholo le pabalesego mo dikarolong tsotlhe le go dirisa dithulaganyo tsa pholo le pabalesego go sireletsa botlhe
Re dira maemo a a babalesegileng a go dira, re tlamela didirisiwa tse di babalesegileng le tse di tshwanelegang mme re ngaparela melao
Re tla tirong re itekanetse mo tlhaloganyong le mo mmeleng
Re tlhoma le go boloka melao le go thapisa batho ba rona
Re tsaya karolo mo thapisong ya gore go dirwa jang ka pabalesego le go ya ka melao le dipholisi tsa pholo le pabalesego
Re tlhoma le go baya leitlho dilo tse di tobilweng le dithulaganyo tsa go tswelela go tokafatsa pholo le pabalesego
Fa go kgonega, re thusa batho ba rona go boela mo tirong morago ga go lwala kgotsa kgobalo.

Dipholisi tsa rona tsa konokono