Baeteledipele ba rona

Mabapi le melao ya rona ya boitshwaro

Baeteledipele ba rona

Re lebeletse gore moetapele mongwe le mongwe go ralala kgwebo ya rona e nne motlhomasekao yo o nonofileng wa go dira dilo ka boikanyegi le thotloetso ya mekgwa e e supang pabalesego, go nna le boikarabelo le maitsholo a mantle.

Baeteledipele botlhe ba tshwanetse:

go tshela ka Ditekanyetso le go dira go dumalana le Melao le se e se rotloetsang
go rotloetsa Ditekanyetso tsa rona, Melao le dipholisi, le go tlhalosa boitshwaro jo bo lebeletsweng
go batla ditshono tsa go dira ditekanyetso le go godisa kgwebo ya rona ka tsela e e tsamaelanang le Ditekanyetso tsa rona le Melao
go tshwara ditlhopha tsa bone ka tolamo le tlotlo, le go dira tikologo e mongwe le mongwe a ikutlwang a phuthologile go bua ka tshosologo ka matshwenyego ntle le poifo ya ipusoletso
go reetsa matshwenyego, go a tsaya tsia, le go a rarabolola sentle

nna o etse tlhoko mme o bege sepe fela se o tshwenyegileng ka sone mabapi le tlolo ya Molao, dipholisi tsa rona kgotsa molao o bone ka bo bone ba o ikobelang kgotsa o ba o begelwang ke ba bangwe.

Re ikaegile ka baeteledipele ba rona go tshwarelela Melao mo kgwebong yotlhe ka:

go supa, go sekaseka le go laola mathata
go tlhomamisa gore batho ba rona ba tsaya karolo mo thapisong ya Melao le dipholisi tse di maleba

gatelela botlhokwa jwa go bua ka kgololesego le gore motho o tshwanetse go bega sengwe se se mo tshwenyang mabapi le go robiwa ga Moalo,  dipholisi tsa rona kgotsa molao le ditlamorago tsa go palelwa ke go dira jalo.

go dirisana mmogo le go dira le beng ba dishere ba kafa gare le ba kwa ntle
go baya mekgele e e utlwalang le e e kgonang go fitlhelelwa le go rotloetsa botlhe go e fitlhelela
go direla batho ba rona ditshono tsa go simolola le go diragatsa bokgoni jwa bone
go tlhalosa sentle gore boitshwaro jo bo amogelesegang ke eng, le gore ga se eng
go dira gore ditlhopha tsa bone di ikarabele
go lemoga le go duela batho, e seng fela go se ba se fitlheletseng, le kafa ba se fitlhelelang ka teng
go tsenelela fa tiro e sa tsamaelane le se re se lebeletseng

As part of our culture of Speaking Openly, we expect our leaders, managers and supervisors to model and actively cultivate a culture of listening and openness. We are committed to a culture that  enables our people to feel confident to speak openly and raise concerns when needed.