Go bua ntle le go fitlha sepe

Mabapi le melao ya rona ya boitshwaro

Go bua ntle le go fitlha sepe

O seka wa boloka matshwenyego mo go wena. Bua ka one le motsamaisi wa gago, mookamedi kgotsa metswedi e mengwe e e gone ya go bega. Re tsaya matshwenyego a gago tsia mme re a rarabolola ka bonako.

Go re begela matshwenyego a gago go re letla go a rarabolola sentle, go thibela go tswelela o sa itshware sentle le go fokotsa go amega go go sa siamang ga madi, go senyega leina le go amega mo gongwe.

Dipholisi tsa rona tsa konokono

O ka bua jang ka matshwenyego a gago?

Bua ka matshwenyego a gago kwa ofising kgotsa thuo ya bodirelo

Re go kgothaletsa go bua ka matshwenyego a gago le motsamaisi wa gago kgotsa mookamedi.

Ba na le bokgoni jwa go rarabolola matshwenyego ka bonako le ka katlego. Gape o ka bua ka matshwenyego a gago go motswedi wa lona wa go bega, kgotsa ba go ikgolaganngwang le bone go Tlhaba Mokgosi kwa ofising ya gago kgotsa go thuo ya bodirelo go yo o tlhophetsweng go amogela matshwenyego.

Ntsha matshwenyego a gago go Thulaganyo ya go Ntsha Matshwenyego ya Glencore

Fa o sa kgone kgotsa o sa phuthologa go dirisa metswedi ya lona, o ka ikgolaganya le metswedi ya go bega ya Thulaganyo ya go Ntsha Matshwenyego.

Thulaganyo ya go Ntsha Matshwenyego ya rona e na le metswedi ya go bega o le tlhokaina go badiri botlhe ba Glencore, bomphato le rona mo kgwebong le beng ba bangwe ba dishere.

Thulaganyo e kgontsha go bega boitshwaro jo bo ka tswang bo sa tsamaelane le Melao ya rona le dipholisi le molao. Thulaganyo ya go Ntsha Matshwenyego ke thulaganyo ya khamphani mme e go letla go bega matshwenyego a gago ka pabalesego, ka dipuo tse di farologaneng.

Ga go letlelelwe ka gope ipusolosetso

Ga re letlelele ka gope go ipusolosetsa kgatlhanong le ope yo o ntshang matshwenyego kaga boitshwaro jo a dumelang gore ga bo tsamaisane le Melao ya rona, dipholisi, kgotsa molao, le fa matshwenyego a se na bosupi jo bo bonalang.

Fa fela o sa dire pego ya maaka ka boomo, o ka bua ka tshosologo ntle le go boifa go kobiwa, go tlhaolwa, go tlhorontshiwa, go tshosediwa kgotsa go amega ka tsela e nngwe e e sa siamang.

Polateforomo ya webo

Go tsena go Thulaganyo ya go Ntsha Matshwenyeo ya Glencore go motlhofo

glencore.raisingconcerns.org